Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgotsofalela se o Nang le Sone

Go Kgotsofalela se o Nang le Sone

Rotlhe re batla go itumela le go kgotsofalela se re nang le sone. Mmopi wa rona le ene o batla gore re ikutlwe jalo. Ka jalo, o re neile dikgakololo tse di ka re thusang.

Dira ka Natla

“A a dire ka natla, a dire tiro e e molemo ka diatla tsa gagwe, gore a tle a nne le sengwe se a ka se abelang yo o tlhokang.”—BAEFESO 4:28.

Mmopi wa rona o batla gore re itumelele go bereka. Goreng? Motho yo o dirang ka natla o kgona go itlamela le go tlamela lelapa la gagwe. A ka kgona le go thusa ba bangwe ba ba tlhokang. Tota le boso ya gagwe e mo tsaya a le botlhokwa. Gantsi motho yo o dirang ka natla ga a nke a latlhegelwa ke tiro. Baebele e a re go dira ka natla “ke mpho ya Modimo.”—Moreri 3:13.

Ikanyege

“Re dumela gore re na le segakolodi se se ikanyegang, e bile re eletsa go ikanyega mo dilong tsotlhe.”—BAHEBERA 13:18.

Fa o ikanyega, o tla kgona go robala boroko e bile o ka se tshwenyege. Mo godimo ga moo, batho ba bangwe ba tla go tshepa le go go tlotla. Go sa ikanyege go ka dira gore motho a se ka a itumelela botshelo mme a nne a tshwenyegile ka mathata a gagwe. E bile go ka dira gore a nne a boifa ka gonne a akanya gore ka letsatsi lengwe o tlile go tshwarelwa dilo tse a di dirileng.

O se Ka wa Dira Madi Selo sa Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago

“Lo se ka lwa rata madi, go na le moo, kgotsofalelang dilo tse lo nang le tsone.”—BAHEBERA 13:5.

Re tlhoka madi gore re reke dijo le dilo dingwe tse re di tlhokang. “Go rata madi” go kotsi. Go ka dira gore motho a fetse nako e ntsi le maatla a gagwe a leka go dira madi a mantsi. Seno se ka dira gore a se ka a kgona go fetsa nako le molekane wa gagwe le bana ba gagwe. Gape se ka dira gore a lwale. (1 Timotheo 6:9, 10) Mo godimo ga moo, motho yo o ratang madi a ka raelesega motlhofo. Monna mongwe yo o botlhale o kile a re: “Motho yo o ikanyegang o tla amogela masego a mantsi, mme yo o potlakelang go huma ga a kitla a tlhoka molato.”—Diane 28:20.

Tlhopha Kitso e e Tla go Solegelang Molemo

“Sireletsa botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.”DIANE 3:21.

Go nna le kitso e e siameng go dira gore batho ba bangwe ba re tshepe le gore re nne batsadi ba ba molemo. Go ithutela go nna le kitso kwa sekolong ga go ka ke ga dira gore re nne re itumetse e bile re sireletsegile. Fa o batla gore dilo di go tsamaele sentle mo botshelong jwa gago jotlhe, o tshwanetse go dirisa kitso e Modimo a go nayang yone. Baebele e bua jaana ka motho yo o reetsang Modimo: “Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—Dipesalema 1:1-3.