Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Bakwadi ba ba neng ba ganetsa Jesu e ne e le bomang?

Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu, o ne a se ka a kopana le bakwadi mo Jerusalema fela mme le mo metseng le mo ditoropong tse dinnye. Kwa ntle ga Jerusalema—tota le mo Bajudeng ba ba neng ba nna kwa ntle ga Palesetina—banna bano e ne e le badiredi ba ba botlana ba ba neng ba ithutile Molao mme e ka tswa e ne e le bakwalolodi kgotsa baatlhodi ba mo lefelong le ba nnang mo go lone.—Mareko 2:6; 9:14; Luke 5:17-21.

Mo Jerusalema bakwadi ba ne ba dirisana thata le puso ya Bajuda. (Mathaio 16:21) The Anchor Bible Dictionary ya re “go lebega ba ne ba dira le baperesiti mo tirong ya boatlhodi le go tlhomamisa gore dingwao le melao ya Bajuda di a dirwa le go dira ditiro tse di dirwang letsatsi le letsatsi ke Sanehederine.” E re ka ba ne ba itsege e le barutisi ba Molao, bangwe ba bakwadi bano e ne e le maloko a Sanehederine kgotsa a kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda. Ba ne ba dira mmogo le baperesiti ba bagolo le Bafarasai.

Gantsi mo Baebeleng bakwadi ba tlhalosiwa e le bone ba ba neng ba ganetsa Jesu. Le fa go ntse jalo, bangwe ga ba a ka ba mo ganetsa. Ka sekai, mokwadi mongwe o ne a raya Jesu a re: “Ke tla go sala morago gongwe le gongwe fela kwa o tla tlogang o ya gone.” Jesu o ne a raya yo mongwe a re: “Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.”—Mathaio 8:19; Mareko 12:28-34.

Go ne go kaya eng go tlotsa motho?

Kwa Botlhabagare mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, go tlotsa tlhogo ya motho ka oli go ne go bontsha gore o a mo amogela kgotsa e ne e le selo se motho a se dirang go amogela moeng. Gantsi oli e e neng e dirisiwa e ne e le ya motlhware e e nang le senkgisamonate. Bahebera le bone ba ne ba tlotsa motho ka oli mo tlhogong fa a ne a tlhophiwa go nna le maemo mangwe a taolo. Ka sekai, Arone o ne a tlodiwa ka oli fa a ne a tlhophiwa go nna moperesiti yo mogolo. (Lefitiko 8:12) Malebana le Kgosi Dafide, “Samuele a tsaya lonaka lwa leokwane mme a mo tlotsa . . . , mme moya wa ga Jehofa wa simolola go dira mo go Dafide go tloga ka letsatsi leo go ya pele.”—1 Samuele 16:13.

Mo puong ya Sehebera, lefoko le le dirisiwang fa go buiwa ka go tlodiwa ka tsela eo ke ma·shachʹ, e leng lefoko le ma·shiʹach kgotsa Mesia le tswang mo go lone. Lefoko le le tshwanang le lone la Segerika ke khriʹo le lefoko khri·stosʹ kgotsa Keresete le tswang mo go lone. Ka jalo, re ka re Arone kgotsa Dafide e ne e le mesia kana motlodiwa. Moshe le ene o bidiwa keresete kgotsa motlodiwa ka gonne Modimo o ne a mo tlhopha go nna moemedi wa Gagwe.—Bahebera 11:24-26.

Jesu wa Nasaretha o ne a tlhomiwa ke Modimo ka boene go nna le boemo jo bogolo jwa taolo. Go na le gore Jesu a tlodiwe ka oli ya mmatota, o ne a tlodiwa ka moya wa Modimo o o boitshepo. (Mathaio 3:16) E re ka Jesu e le Motlodiwa yo o tlhophilweng wa ga Jehofa, go a tshwanela go bo a bidiwa Mesia kgotsa Keresete.—Luke 4:18.