Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bodumedi jo bo Siameng bo Kgothaletsa gore Lefoko la Modimo le Tlotliwe

Bodumedi jo bo Siameng bo Kgothaletsa gore Lefoko la Modimo le Tlotliwe

JESU o ne a kgothaletsa go tlotla Lefoko la Modimo e leng Baebele. Re bona seno fa a ne a araba Diabolo fa a ne a mo raela. (Mathaio 4:4-11) Ka sekai, Jesu o ne a itshwara jang fa Satane a ne a re a fetole maje dinkgwe? Jesu o ne a gana thaelo eo ka go nopola mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Moshe, a o ka ipalelang one mo go Duteronome 8:3. Jesu o ne a reng fa Diabolo a ne a mo raya a re o tla busa magosi otlhe a lefatshe fa a ka mo obamela? O ne a gana mme a umaka molaomotheo wa Dikwalo o o mo go Duteronome 6:13.

Akanya fela! Tota le fa e ne e le Morwa Modimo, Jesu o ne a ikaega ka Baebele gore e mo kaele fa a ruta. E bile o ne a sa itlhokomolose Lefoko la Modimo gore a dire dingwao tsa batho. (Johane 7:16-18) Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba sa tlotle Lefoko la Modimo jaaka Jesu. Ka ntlha yang? Ba ne ba tsaya dingwao tsa batho di le botlhokwa thata go na le Dikwalo Tse di Boitshepo. Jesu o ne a raya baeteledipele bao ba bodumedi jaana ka tlhamalalo: “Lo dirile lefoko la Modimo lefela ka ntlha ya ngwao ya lona. Baitimokanyi ke lona! Isaia o ne a porofeta sentle kaga lona fa a ne a re: ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme pelo ya bone e kgakala le nna. Ba nkobamelela lefela, ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’”—Mathaio 15:6-9, Holman Christian Standard Bible.

Bontsi jwa madumedi a lefatshe, a Bokeresete le a e seng a Bokeresete a ipolela fa a tlotla Baebele. Le fa go ntse jalo, o itse madumedi a le kae a a tlogelang go dira dingwao tsa batho fa di sa dumalane le dithuto tse di mo Lefokong la Modimo? Akanya ka dikai tseno tse pedi.

KGANG: Direto tsa bodumedi.

SE BAEBELE E SE RUTANG: Jesu o ne a kgala baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ka ntlha ya go rata direto le go eletsa go itsege. O ne a re banna bao ba rata “mafelo a a kwa pele thata mo dijong tsa maitseboa le ditulo tse di kwa pele mo disinagogeng le ditumediso mo marekisetsong le go bidiwa ‘Rabi’ ke batho.” Morago ga moo Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo se ka lwa bidiwa ‘Rabi’; gonne Mong wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mme lo se ka lwa bitsa ope mo lefatsheng rraalona; ka gonne Rraalona o mongwe, yo o kwa legodimong.”—Mathaio 23:1-10, New Catholic Edition of the Holy Bible.

POTSO: A baeteledipele ba bodumedi jono ba rata go bidiwa ka direto tse di tlotlegang le go batla go itsege mo motseng kgotsa ba ikobela taelo ya ga Jesu ya go tila go dira jalo?

KGANG: Go dirisa ditshwantsho mo kobamelong.

SE BAEBELE E SE RUTANG: “O se ka wa itirela setshwantsho se se setilweng kgotsa popego e e tshwanang le epe fela e e kwa magodimong kwa godimo kgotsa e e mo lefatsheng fa tlase kgotsa e e mo metsing kafa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela kgotsa wa di direla.”—Ekesodo 20:4, 5, English Standard Version.

Moaposetoloi Johane o ne a kwalela Bakeresete jaana: “Lo tshwanetse go itisa mo medingwaneng.”—1 Johane 5:21, Contemporary English Version.

POTSO: A bodumedi jono bo ikobela taelo e e utlwalang sentle ya Baebele ya go tila go dirisa ditshwantsho le medingwana fa maloko a jone a obamela Modimo?

O ka Bona Tsela e e Siameng

Le fa go na le madumedi a le mantsi a a tlhakanyang tlhogo, o ka bona jo bo isang kwa botshelong. Go na le matshwao a le mantsi a a ka go thusang go lemoga “bodumedi jo bo itshekileng le jo bo sa leswafalang fa pele ga Modimo.” (Jakobe 1:27, New Revised Standard Version) Ditemana tse go tlotlilweng ka tsone mo ditlhogong tseno di tshwana le matshwao a a ka go thusang go lemoga bodumedi jo bo siameng.

Ke eng fa o sa kope Basupi ba ga Jehofa go tlhalosa dikarabo tsa dipotso tse di boditsweng mo ditlhogong tseno? Fa o ntse o sekaseka se ba se buang, latela sekao se se molemo sa batho ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga kwa motseng wa Berea. Fa ba sena go utlwa moaposetoloi Paulo a rera, “ba ne ba ithuta Dikwalo go bona gore se Paulo a neng a se bua se ne se le boammaaruri.” (Ditiro 17:11, Today’s English Version) Fa o tlotla Lefoko la Modimo e bile o le ithuta ka tlhoafalo jaaka Baberea, o tla bona bodumedi jo bo isang kwa botshelong. O tla itirela tshwetso ya gore a o tla bo tlhopha kgotsa nnyaa.

Ke bodumedi bofe jo bo kgothaletsang batho go ithuta Baebele go bona gore se ba se ithutang se boammaaruri?