Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Letla Modimo go Bua le Wena Letsatsi le Letsatsi?

A o Letla Modimo go Bua le Wena Letsatsi le Letsatsi?

O ITEBA ga kae mo seiponeng? Ba le bantsi ba rona, re iteba letsatsi le letsatsi—gongwe e bile ke selo se re se dirang makgetlo a le mantsi ka letsatsi. Ka ntlha yang? Ka gonne re tshwenyegile ka tsela e re lebegang ka yone.

Go bala Baebele go ka tshwantshiwa le go iteba mo seiponeng. (Jakobe 1:23-25) Molaetsa o o kwadilweng mo Lefokong la Modimo o na le maatla a go re thusa go bona kafa tota re leng ka gone. Le “tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo.” (Bahebera 4:12) Ka mafoko a mangwe, le kgaoganya se re lebegang re le sone kafa ntle mo go se tota re leng sone kafa teng. Fela jaaka seipone se dira, le re bontsha mo re tshwanetseng go baakanya gone.

Baebele ga e senole fela gore re tshwanetse go dira diphetogo kae mme gape e re thusa kafa re ka di dirang ka gone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Ela tlhoko melemo e meraro mo go e menè e e tlhalositsweng—go kgalemela, go tlhamalatsa dilo le go otlhaya—e akaretsa go fetola tsela e re ikutlwang ka yone le se re se dirang. Fa e le gore re iteba ka metlha mo seiponeng go bona gore a tsela e re lebegang ka yone e siame, ruri go botlhokwa le go feta gore re bale Lefoko la Modimo e leng Baebele ka metlha!

Fa Jehofa Modimo a ne a tlhoma Joshua go etelela pele setšhaba sa Iseraele, o ne a mo raya a re: “Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.” (Joshua 1:8) Ee, gore Joshua a atlege, o ne a tshwanetse go bala Lefoko la Modimo ka metlha, “motshegare le bosigo.”

Ka tsela e e tshwanang Pesalema ya ntlha e tlhalosa melemo ya go bala Baebele ka metlha fa e re: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, yo o sa emang mo tseleng ya baleofi, e bile a sa nna mo setulong sa basotli. Mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. Mme ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” (Pesalema 1:1-3) Eleruri re batla go tshwana le motho yo o ntseng jalo.

Batho ba le bantsi ba itlwaeditse go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Fa Mokeresete mongwe a ne a bodiwa lebaka la go bo a bala Baebele letsatsi le letsatsi, o ne a araba jaana: “Fa ka letsatsi ke rapela Modimo kgapetsakgapetsa mme ke bo ke lebelela gore a nkutlwe, ke eng fa le nna ke sa mo reetse ka go bala Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi? Fa re batla go nna tsala e e molemo, ke eng fa e tshwanetse go nna rona fela re buang le ene?” Ke boammaaruri gore go bala Baebele go tshwana le go reetsa Modimo ka gonne re bona tsela e a lebang dilo ka yone.

Kafa o ka Kgomarelang ka Gone Thulaganyo ya go Bala Baebele ka Metlha

Gongwe o setse o lekile go simolola thulaganyo ya go bala Baebele. A o badile Baebele yotlhe? Eo ke yone tsela e e molemolemo ya go tlwaelana le diteng tsa yone. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ile ba simolola ka makgetlo a le mantsi go bala Baebele yotlhe, mme ba bo ba tlogela go e bala morago ga nako e e rileng. A o kile wa diragalelwa ke seno? O ka dira eng go fitlhelela mokgele wa go bala Baebele yotlhe? Ke eng fa o sa leke dikakantsho tse pedi tse di latelang?

A o ka beela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi go bala Baebele?

Rulaganya go bala Baebele fa o dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Tlhopha nako e o tla kgonang go bala Baebele ka yone letsatsi le letsatsi. Gape rulaganya se o tla se dirang fa o sa kgone go e bala ka nako e o e beileng. Fa ka ntlha ya lebaka lengwe o sa kgone go bala Baebele ka nako e o e tlhophileng, tlhopha nako e nngwe gore letsatsi le se ka la feta o sa bala Lefoko la Modimo. Fa o dira jalo o tla bo o etsa sekao sa Baberea ba bogologolo. Re bolelelwa jaana ka bone: “Ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

Ipeele mokgele. Ka sekai, fa o bala dikgaolo tsa Baebele di le tharo go ya go tse tlhano letsatsi le letsatsi, o ka kgona go bala Baebele yotlhe ka ngwaga. Tšhate e e mo ditsebeng tse di latelang e bontsha gore seno se ka dirwa jang. Ke eng fa o sa ikemisetse go leka go dirisa thulaganyo eno? Mo setlhogong se se reng “Letlha,” rulaganya gore o tla bala leng dikgaolo tse di rileng. Morago ga moo, tshwaya lebokoso la dikgaolo tse o feditseng go di bala. Go dira jalo go tla go thusa go bona gore o gatela pele jang.

Fa o feditse go bala Baebele yotlhe, o se ka wa emisa go e bala. O ka dirisa thulaganyo e e tshwanang go bala Baebele yotlhe ngwaga le ngwaga, gongwe nako le nako o simolola go bala karolo e sele. Kgotsa fa o batla go fetsa go bala Baebele ka iketlo, o ka dirisa malatsi a le mabedi kgotsa a le mararo go bala karolo  nngwe le nngwe e o rulagantseng go e bala.

Nako le nako fa o bala Baebele, o tla bona dilo tse disha tse di go amang—dilo tse pele o neng o sa di lemoge. Ka ntlha yang? “Seemo sa lefatshe leno se a fetoga,” e bile matshelo a rona le maemo a fetoga ka metlha. (1 Bakorintha 7:31) Ka jalo, ikemisetse go leba seipone sa Lefoko la Modimo, e leng Baebele letsatsi le letsatsi. Ka tsela eno, o ka tlhomamisega gore o letla Modimo go bua le wena letsatsi le letsatsi.—Pesalema 16:8.