Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Manyalo a Thubega?

Ke ka Ntlha Yang fa Manyalo a Thubega?

Ke ka Ntlha Yang fa Manyalo a Thubega?

“Bafarasai ba tla kwa go [Jesu], ba ikaeletse go mo raela mme ba re: ‘A go kafa molaong gore monna a tlhale mosadi wa gagwe ka lebaka le fa e ka nna la mofuta ofe?’”—Mathaio 19:3.

BATHO bangwe ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba belaela gore a manyalo a ka nnela ruri kgotsa gore a a tshwanetse go nnela ruri. Jesu o ne a ba raya a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” * (Mathaio 19:4-6) Ga go pelaelo gore Modimo o ne a ikaeletse gore manyalo a nnele ruri.

Mo dinageng di le dintsi gompieno, manyalo a palo e e ka nnang diperesente di le 40 kgotsa go feta tsa manyalo otlhe, a a thubega a bo a felela ka tlhalo. A kgakololo ya Baebele malebana le lenyalo e feletswe ke nako? A manyalo a ka tswa a thubega ka gonne thulaganyo ya lenyalo ka boyone e na le bothata?

Akanya ka sekai seno: Malapa a mabedi a reka dikoloi tsa modiro o o tshwanang. Banyalani ba lelapa la ntlha ba tlhokomela koloi ya bone e bile ba e kgweetsa sentle. Koloi ya bone ga e senyege. Banyalani ba lelapa le lengwe bone ga ba iphe nako ya go tlhokomela koloi ya bone mme ba e kgweetsa botlhaswa. Koloi ya bone e a senyega ba bo ba e latlha. Ke eng se se dirileng gore koloi ya banyalani ba bobedi e senyege—a ke bothata jwa koloi kgotsa ke jwa beng ba yone? Ga go pelaelo gore ke jwa beng ba yone.

Ka tsela e e tshwanang, lebaka la go bo manyalo a le mantsi a thubega ga se ka gonne thulaganyo ya lenyalo e na le bothata. Manyalo a le mantsi a a atlegang a bontsha seo. Manyalo a a ntseng jalo a tlisa boitumelo mo banyalaning, mo malapeng le mo setšhabeng. Mme fela jaaka koloi, lenyalo le tshwanetse go tlhokomelwa sentle ka metlha gore le nnele ruri.

Le fa lo ka tswa lo na le malatsi a le mmalwa kgotsa dingwaga di le dintsi lo nyalane, kgakololo ya Baebele e e malebana le kafa lo ka nonotshang lenyalo la lona ka yone ruri e solegela molemo. Ela tlhoko dikai tse di mo ditsebeng tse di latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Baebele e letla batho gore ba tlhalane fela ka ntlha ya boaka.—Mathaio 19:9.