Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

A Basupi ba ga Jehofa ba Amogela Thuso ya Tsa Kalafi?

A Basupi ba ga Jehofa ba Amogela Thuso ya Tsa Kalafi?

Jesu o ne a re “batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.” (Mathaio 9:12) Ka go rialo, o ne a bontsha gore Dikwalo ga di thibele motho go senka thuso mo bathong ba tsa kalafi. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go amogela melemo le thuso ya tsa kalafi. Ba batla go nna le botsogo jo bo molemo le go tshela lobaka lo loleele. Tota e bile, fela jaaka Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Luke e ne e le ngaka, bangwe ba Basupi ba ga Jehofa le bone ke dingaka.—Bakolosa 4:14.

Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele mefuta ya kalafi e e sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele. Ka sekai, ga ba dumele go tshelwa madi ka gonne Baebele e iletsa batho go tsenya madi mo mebeleng ya bone go leka go boloka matshelo a bone. (Genesise 9:4; Lefitiko 17:1-14; Ditiro 15:28, 29) Gape Lefoko la Modimo le kgala mekgwa ya kalafi e e akaretsang go dirisa “maatla a masaitseweng” kgotsa bodimona.—Isaia 1:13; Bagalatia 5:19-21.

Ba tsa kalafi ba le bantsi ba thusa batho ka kalafi e e bolokang matshelo mme e se kgatlhanong le melaometheo ya Baebele. Basupi ba le bantsi ba tlhopha kalafi ya mofuta oo, e gantsi e leng botoka go gaisa e e sa dumalaneng le se Modimo a se batlang.

Gone ke boammaaruri gore, batho ba na le dipono tse di farologaneng ka dikgang tsa kalafi. Kalafi e e rileng e ka se sologele batho botlhe molemo ka tsela e tshwanang. Ka jalo, mongwe le mongwe yo o batlang go itse gore o tshwerwe ke bolwetse bofe e bile a batla kalafi e e siameng, a ka nna a senka kakantsho ya bobedi.—Diane 14:15.

Ga se gore Basupi botlhe ba tla dira ditshwetso tse di tshwanang tsa kalafi. Lefoko la Modimo le letla Bakeresete gore ba dire ditshwetso tse di sa tshwaneng go ya ka digakolodi tsa bone fa fela ba sa tlole melao ya Baebele. (Baroma 14:2-4) Ka jalo, mongwe le mongwe o tshwanetse go batlisisa le go tlhomamisa gore a kalafi e a e boneng ga e thulane le segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele.—Bagalatia 6:5; Bahebera 5:14.

Mosupi o tla leba tswetso nngwe le nngwe e a e tsayang jaaka e kete o kgweetsa mo makopanelong a ditsela a a nang le dikoloi tse dintsi. Fa a ka sala dikoloi tse di fa pele ga gagwe morago mme a feta makopanelo fela a sa letele tse dingwe, a ka baka kotsi e e masisi. Mokgweetsi yo o botlhale o tla fokotsa lobelo a bo a leba dikoloi tse dingwe pele ga a ka kgabaganya. Ka tsela e e tshwanang, Basupi ga ba potlakele go dira ditswetso tsa kalafi kgotsa go latelela dikgopolo tsa batho ba sa di akanyetsa sentle. Go na le moo, pele ba dira ditshwetso, ba sekaseka gore a di tsamaisana le melaometheo ya Baebele.

Eleruri Basupi ba ga Jehofa ba anaanela matsapa le boineelo jwa ba tsa kalafi. Gape ba anaanela kafa matsapa ao a bone a ba thusang ka gone gore ba fole.