Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo ke Mang?

Modimo ke Mang?

Ithute mo Lefokong la Modimo

Modimo ke Mang?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Modimo ke mang?

Modimo wa boammaaruri ke Mmopi wa dilo tsotlhe. Baebele e mmitsa “Kgosi ya bosakhutleng,” se se rayang gore ga a na tshimologo e bile a ka se nne le bokhutlo. (Tshenolo 15:3) E re ka Modimo e le Motswedi wa botshelo, re tshwanetse go obamela ene fela.—Bala Tshenolo 4:11.

2. Modimo o ntse jang?

Ga go na ope yo o kileng a bona Modimo ka gonne ke Moya, se se rayang gore ke wa maemo a a kwa godimo go feta dibopiwa tsa mo lefatsheng. (Johane 1:18; 4:24) Dinonofo tsa Modimo di senolwa ke dilo tse a di dirileng. Ka sekai, fa re akanya kafa maungo le dithunya di dirilweng ka gone e bile di sa tshwaneng ka teng, re bona lorato lwa Modimo le botlhale jwa gagwe. Bogolo jwa lobopo bo re bontsha maatla a Modimo.—Bala Baroma 1:20.

Re ka ithuta dilo tse dingwe tse dintsi ka dinonofo tsa Modimo go tswa mo Baebeleng. Ka sekai, e re bolelela se Modimo a se ratang le se a sa se rateng, kafa a tshwarang batho ka gone le kafa a itshwarang ka gone mo maemong a a farologaneng.—Bala Pesalema 103:7-10.

3. A Modimo o na le leina?

Jesu o ne a re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Le fa Modimo a na le direto di le dintsi, o na le leina le le lengwe fela. Le bidiwa ka ditsela tse di farologaneng mo puong nngwe le nngwe. Ka Setswana o bidiwa “Jehofa.”—Bala Pesalema 83:18.

Leina la Modimo le ntshitswe mo Dibaebeleng di le dintsi mme la emisediwa ka sereto Morena kgotsa Modimo. Mme fa Baebele e kwalwa, leina la Modimo le ne le tlhaga mo go yone ka makgetlo a ka nna 7 000. Jesu o ne a itsise leina la Modimo ka go le dirisa fa a ne a tlhalosetsa batho Lefoko la Modimo. O ne a thusa batho gore ba itse Modimo.—Bala Johane 17:26.

4. A Jehofa o amega ka rona?

Jehofa o re bontsha gore o a re kgatlhegela ka go reetsa dithapelo tsa rona ka boene. (Pesalema 65:2) A go boga mo go atileng go bontsha gore Modimo ga a amege ka rona? Batho ba bangwe ba re Modimo o re leka ka go dira gore re boge, mme seno ga se boammaaruri. Baebele ya re: “A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo.”—Jobe 34:10; bala Jakobe 1:13.

Modimo o neile batho kgololesego ya go itlhophela. A ga re anaanele kgololesego e re nang le yone ya go tlhopha go direla Modimo? (Joshua 24:15) Go boga go atile ka gonne batho ba le bantsi ba tlhopha go direla ba bangwe bosula. Jehofa o utlwa botlhoko fa a bona tshiamololo e e ntseng jalo.—Bala Genesise 6:5, 6.

Go ise go ye kae, Jehofa o tla dirisa Jesu go fedisa pogo le batho ba ba e bakang. Gone jaanong, Jehofa o na le lebaka le le utlwalang la go letla pogo ka nakwana. Nngwe ya dithuto tse di latelang mo motseletseleng ono, e tla tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo.—Bala Isaia 11:4.

5. Modimo o batla gore re direng?

Jehofa o re bopile re na le bokgoni jwa go mo itse le go mo rata. O batla gore re ithute boammaaruri kaga gagwe. (1 Timotheo 2:4) Fa re ithuta Baebele re ka kgona go itse Modimo jaaka Tsala.—Bala Diane 2:4, 5.

E re ka Jehofa a re neile botshelo, re tshwanetse go mo rata go feta motho ope fela. Re ka bontsha Modimo gore re a mo rata ka go bua le ene ka thapelo le go dira se a se batlang. (Diane 15:8) Jehofa o batla gore re dirisane le batho ba bangwe ka lorato.—Bala Mareko 12:29, 30; 1 Johane 5:3.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 1 ya buka eno, Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

A go ka tswa go na le lebaka le le utlwalang la go bo boikepo bo letleletswe gore bo tswelele ka nakwana?