Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete Bone ba Tshwanetse go Dirang Gompieno?

Bakeresete Bone ba Tshwanetse go Dirang Gompieno?

Bakeresete Bone ba Tshwanetse go Dirang Gompieno?

BAKERESETE ba boammaaruri gompieno ga ba nne le seabe mo dipolotiking. Ka ntlha yang? Ka gonne ba latela sekao sa ga Jesu. O ne a re: ‘Ga ke karolo ya lefatshe.’ O ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga lo karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19; 17:14) Mma re sekaseke mabaka mangwe a go bo Bakeresete ba sa tshwanela go nna le seabe mo dipolotiking.

1. Bokgoni jwa batho bo lekanyeditswe. Baebele ya re batho ga ba na bokgoni kgotsa tshwanelo ya go ipusa. Moporofeti Jeremia o ne a kwala jaana: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

Fela jaaka batho ba sa bopiwa ba na le bokgoni jwa go fofa, ga ba a bopiwa ba na le bokgoni jwa go ipusa. Fa rahisitori mongwe e bong David Fromkin a bua kafa bokgoni jwa dipuso bo lekanyeditsweng ka gone, o ne a re: “Tota dipuso di etelelwa pele ke batho; ka jalo ga di ka ke tsa atlega e bile dilo tse di di solofetseng ka isagwe ga di a tlhomama. Di na le maatla a a rileng mme e le a a lekanyeditsweng fela.” (The Question of Government) Ka jalo, go a utlwala go bo Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra ikanya batho!—Pesalema 146:3.

2. Mephato ya meya e e boikepo e na le tlhotlheletso. Fa Satane a ne a solofetsa go naya Jesu taolo mo lefatsheng, Jesu ga a a ka a gana gore Diabolo o na le taolo ya go mo naya magosi otlhe a lefatshe. Tota e bile, mo lekgetlhong le lengwe moragonyana, Jesu o ne a bitsa Satane a re ke “mmusi wa lefatshe.” Dingwaga moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a re Satane ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (Johane 14:30; 2 Bakorintha 4:4) Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene jaana: “Re lwa . . . le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Le fa batho ba sa lemoge, mephato ya meya e e boikepo ke yone e e busang lefatshe leno. Seo se tshwanetse go tlhotlheletsa jang tsela e re lebang dipolotiki ka yone?

Akanya ka papiso eno: Fela jaaka mekoro e mennye e kgokgoediwa ke metsi a lewatle a a elelang a a maatla, tsamaiso ya batho ya dipolotiki e laolwa ke mephato e e maatla ya meya e e boikepo. Fela jaaka batho ba ba tsamaisang mekoro eo ba ka se ka ba dira sepe ka tsela e metsi ao a a maatla a elelang ka yone, boradipolotiki ba ka se kgone go dira sepe ka tlhotlheletso e mephato eo ya meya e e boikepo e nang le yone. Mephato eo e ikaeletse go senya batho gotlhelele le go baka ‘tatlhego mo lefatsheng.’ (Tshenolo 12:12) Ka jalo, motho yo o nang le maatla a a fetang a ga Satane le a madimona a gagwe ke ene fela a ka kgonang go tlisa diphetogo tsa mmatota mo lefatsheng. Motho yoo ke Jehofa Modimo ka boene.—Pesalema 83:18; Jeremia 10:7, 10.

3. Bakeresete ba boammaaruri ba tshegetsa Bogosi jwa Modimo fela. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba itse gore ka nako e e tlhomilweng, Modimo ka boene o ne a tla tlhoma puso kwa legodimong e e neng e tla busa mo lefatsheng lotlhe. Baebele e bitsa puso eo Bogosi jwa Modimo e bile e bontsha gore Jesu Keresete o tlhomilwe go nna Kgosi ya jone. (Tshenolo 11:15) E re ka Bogosi joo bo ama batho botlhe, Jesu o ne a dira gore “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo” e nne setlhogo sa konokono mo dithutong tsa gagwe. (Luke 4:43) Gape o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba rapele jaana: “A bogosi jwa gago bo tle.” Ka ntlha yang? Ka gonne fa Bogosi joo bo busa, thato ya Modimo e tla dirwa kwa legodimong le mo lefatsheng.—Mathaio 6:9, 10.

Ka jalo, go tla diregang ka dipuso tsa batho? Baebele ya re dipuso tseo “tsa lefatshe lotlhe” di tla fedisiwa. (Tshenolo 16:14; 19:19-21) Fa e le gore tota motho o dumela gore Bogosi jwa Modimo bo tloga bo fedisa tsamaiso yotlhe ya batho ya dipolotiki, go tla bo go utlwala gore a se ka a ema tsamaiso eo ya dipolotiki nokeng. Aitsane, fa e le gore o ne a tla ema nokeng dipuso tsa batho tse di atlholetsweng go senngwa, tota o ne a tla bo a le kgatlhanong le Modimo.

E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba sa nne le seabe mo dipolotiking, a seo se kaya gore ga ba kgatlhegele go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho ba mafelo a ba nnang mo go one? Ela tlhoko karabo e e mo setlhogong se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba tshegetsa Bogosi jwa Modimo e seng mekgatlho ya dipolotiki