Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Nna Jang Badumedi ba ba Pelontle le Baagi ba ba Nang le Maikarabelo?

Re ka Nna Jang Badumedi ba ba Pelontle le Baagi ba ba Nang le Maikarabelo?

Re ka Nna Jang Badumedi ba ba Pelontle le Baagi ba ba Nang le Maikarabelo?

KE DILO dife tse pedi tse e neng e le karolo ya bodiredi jwa ga Jesu? Sa ntlha, Jesu o ne a ikaeletse go fetola matshelo a batho e seng mekgatlho ya dipolotiki. Ka sekai, ela tlhoko se Jesu a neng a se gatelela mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. Pele ga a bua ka botlhokwa jwa go nna jaaka letswai le lesedi, o ne a bolelela batho ba ba neng ba mo reeditse gore boitumelo jwa mmatota bo bonwa ke batho ba ba “tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” O ne a bo a oketsa ka gore: “Go itumela ba ba bonolo, . . . ba ba itshekileng mo pelong, . . . ba ba kagiso.” (Mathaio 5:1-11) Jesu o ne a thusa balatedi ba gagwe go lemoga botlhokwa jwa go fetola tsela e ba akanyang ka yone le e ba ikutlwang ka yone ka melao ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang le botlhokwa jwa go direla Modimo ka pelo yotlhe.

Sa bobedi, fa Jesu a ne a bona batho ba boga, tsela e a neng a tlhomogela batho pelo ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go ba thusa. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa gagwe e ne e se go tlosa pogo yotlhe. (Mathaio 20:30-34) O ne a fodisa batho le fa go ntse jalo bolwetse bo ne jwa tswelela bo le gone. (Luke 6:17-19) O ne a tlisetsa batho ba ba gateletsweng kgololo, le fa go ntse jalo tshiamololo e ne ya tswelela e baka pogo. O ne a naya batho ba ba tshwerweng ke tlala dijo, le fa go ntse jalo leuba le ne la tswelela le le gone.—Mareko 6:41-44.

Go Tlhotlheletsa Batho go Fetola Matshelo a Bone le go Tlosa Pogo ka Nakwana

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go tlhotlheletseng batho gore ba fetole matshelo a bone le mo go tloseng pogo ka nakwana, mme a sa e lebisa mo go fetoleng mekgatlho mengwe kgotsa mo go fediseng tlalelo gotlhelele? Jesu o ne a itse gore Modimo o ikaeletse go dirisa Bogosi jwa gagwe mo isagweng go fedisa dipuso tsotlhe tsa batho le go tlosa dilo tsotlhe tse di bakang pogo. (Luke 4:43; 8:1) Ka jalo, nako nngwe fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo rotloetsa gore a fetse nako e ntsi a fodisa balwetse, Jesu o ne a ba raya a re: “A re yeng golo gongwe go sele, mo metsanasetoropong e e fa gautshwane, gore ke tle ke rere le koo, gonne ke tletse jone boikaelelo jono.” (Mareko 1:32-38) Jesu o ne a imolola batho ba bantsi ka nakwana mo pogong, mme selo sa botlhokwa mo go ene e ne e le go rera le go ruta lefoko la Modimo.

Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go etsa Jesu mo tirong ya bone ya go rera e ba e dirang gompieno. Ba tlhotlheletsega go fokotsa pogo ka go thusa batho ba ba tlhokang. Mme Basupi ga ba leke go tlosa tshiamololo e e mo lefatsheng. Ba dumela gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlosa dilo tsotlhe tse di bakang pogo. (Mathaio 6:10) Fela jaaka Jesu, ga ba leke go fetola mekgatlho ya dipolotiki mme ba iketleeleditse go tlhotlheletsa batho gore ba fetole matshelo a bone. Go a utlwala go dira jalo ka gonne mathata a magolo a batho ga a bakiwe ke dipolotiki mme a bakiwa ke boitsholo jwa batho.

Baagi ba ba Nang le Maikarabelo

Gape Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ba na le boikarabelo jwa Bokeresete jwa go nna baagi ba ba molemo. Ka jalo, ba tlotla taolo ya babusi. Ka dikgatiso tsa bone le ka tiro ya bone ya go rera, ba kgothaletsa baagelani ba bone go ikobela melao. Le fa go ntse jalo, fa puso e batla gore Basupi ba dire dilo tse di leng kgatlhanong le melao ya Modimo, ga ba di dire. Ba “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29; Baroma 13:1-7.

Basupi ba ga Jehofa ba etela batho botlhe mo mafelong a ba nnang mo go one gore ba ithute Baebele le bone mahala. Thuto eno e fetotse matshelo a batho ba le dimilione. Ngwaga le ngwaga, diketekete di le makgolo tsa batho ba thusiwa go tlogela mekgwa e e kotsi e e jaaka botagwa, go goga, go dirisa diokobatsi, go betšha le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Batho bao ba nna baagi ba ba nang le boitsholo jo bo siameng ka gonne ba ithutile go dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone.—Bona setlhogo se se reng “Baebele e Fetola Matshelo a Batho” se se mo go tsebe 18 mo makasineng ono.

Mo godimo ga moo, thuto ya Baebele e thusa ba lelapa gore ba tlotlane le go tokafatsa puisano—fa gare ga banyalani le fa gare ga batsadi le bana le fa gare ga bana ka bobone. Seo ke sone se se nonotshang kamano ya lelapa. Mme malapa a a nonofileng a dira gore go nne le setšhaba se se nonofileng.

Morago ga go sekaseka dintlha tse go tlotlilweng ka tsone mo ditlhogong tseno, o akanyang: A Baebele e dumalana le gore batho ba nne le seabe mo bodumeding le mo dipolotiking? Karabo e tlhamaletse; ga e dumalane. Mme gone a Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna baagi ba ba nang le maikarabelo? Ee, ba tshwanetse. Ba ka dira seo jang? Ka go latela taelo ya ga Jesu ya go nna jaaka letswai le jaaka lesedi la lefatshe.

Batho ba ba lekang ka natla go dirisa dikaelo tse di molemo tsa ga Keresete, ba tla solegela bone le ba malapa a bone molemo—mmogo le batho ba mafelo a ba nnang mo go one. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona ba tla itumelela go go bolelela mo go oketsegileng ka thulaganyo ya go ithuta Baebele e e dirwang mo lefelong la lona. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Kgotsa o ka nna wa ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa mo atereseng ya Internet ya www.watchtower.org

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

Jesu o ne a ikaeletse go fetola matshelo a batho e seng mekgatlho ya dipolotiki

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ba na le boikarabelo jwa go nna baagi ba ba molemo