Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Go Dira Gore lo Tshepane Gape

Go Dira Gore lo Tshepane Gape

Steve *: “Ga ke ise ke tsamaye ke akanye gore Jodi a ka dira boaka. Ke ne ka se tlhole ke mo tshepa gotlhelele. Go ne go le thata tota gore ke mo itshwarele.”

Jodi: “Ke tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Steve a ne a sa tlhole a ntshepa. Go ne ga tsaya dingwaga di le dintsi gore a bone gore tota ke ne ke ikwatlhaya.”

BAEBELE ya re batho ba balekane ba bone ba dirileng boaka ba ka itlhophela go tlhala kgotsa go se tlhale. * (Mathaio 19:9) Steve yo o nopotsweng kwa godimo o ne a swetsa ka gore a se ka a tlhala. Ene le Jodi ba ne ba ikemisetsa go boloka lenyalo la bone. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, ba ne ba lemoga gore seo se ne se kaya gore ba ne ba tshwanetse go dira se se fetang fela go tswelela ba nna mmogo. Ka ntlha yang? Ka gonne boaka jo Jodi a bo dirileng bo ne jwa dira gore go tshepana go se tlhole go nna teng, jaaka re bone mo dikakgelong tse di fa godimo. E re ka go tshepana e le selo sa botlhokwa gore go nne le boitumelo mo lenyalong, ba ne ba tshwanetse go dira ka natla gore ba boe ba tshepane.

Ga go pelaelo gore fa wena le molekane wa gago lo ntse lo leka ka natla go boloka lenyalo la lona morago ga bothata jo bo masisi jo bo jaaka boaka, lo lebana le kgwetlho e e boima. Go ka nna thata le go feta mo dikgweding di le mmalwa tsa ntlha fa kgang eo e sena go senoga. Le fa go ntse jalo, lo ka atlega! Lo ka dira jang gore lo boe lo tshepane gape? Kgakololo e e botlhale e e fitlhelwang mo Baebeleng e ka thusa. Ela tlhoko dikakantsho tse nnè tse di latelang.

1 Lo se Ka Lwa Fitlhelana Sepe.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri.” (Baefeso 4:25) Go bua maaka, go fitlha dintlha dingwe le e leng go didimalelana, go ka dira gore lo se ka lwa tshepana. Ka jalo, o tshwanetse go bua le molekane wa gago boammaaruri e bile o gololesegile.

Kwa tshimologong, wena le molekane wa gago lo ka tswa lo utlwile botlhoko thata mo lo thatafalelwang ke go tlotla ka go se ikanyege ga gagwe. Le fa go ntse jalo, kgabagare lo tla tshwanelwa ke go bua lo phuthologile ka se se diragetseng. Lo ka nna lwa tlhopha gore lo se ka lwa bua ka ntlha nngwe le nngwe ya se se diragetseng mme go tla bo go se botlhale go tila go bua ka gone gotlhelele. Jodi yo o nopotsweng kwa godimo a re: “Kwa tshimologong ke ne ke thatafalelwa ke go bua ka gone e bile ke sa go itumelele. Ke selo se ke neng ke se ikwatlhaela thata mme ke ne ke batla go se lebala gotlhelele.” Le fa go ntse jalo, go sa buisane mo go ntseng jalo go ne ga baka mathata. Ka ntlha yang? Steve a re: “E re ka Jodi a ne a sa batle go bua ka go sa ikanyege ga gagwe, ke ne ka nna ke mmelaela.” Fa Jodi a akanya ka seo, a re: “Go sa tlotle le monna wa me ka se se diragetseng go ne ga re ketefaletsa dilo le go feta.”

Ga go pelaelo gore motlotlo ope fela o o amanang le go sa ikanyege ga molekane yo mongwe o tla utlwisa botlhoko. Debbie yo monna wa gagwe e bong Paul a neng a dira boaka le mokwaledi wa gagwe a re: “Ke ne ke ipotsa dipotso di le dintsi. Go tlile jang? Ka ntlha yang? Ba ne ba bua ka eng? Gangwe le gape ke ne ke lela e bile ke nnela go akanya ka gone mme fa dibeke di feta ke ne ke ipotsa dipotso tse dingwe tse dintsi.” Paul a re: “Ka dinako tse dingwe nna le Debbie re ne re nna le dikgotlhang. Le fa go ntse jalo, ka metlha re ne re ikopa maitshwarelo moragonyana. Go tlotla jalo ka kgololesego go ne ga dira gore re atamalane thata.”

Lo ka dira jang gore metlotlo e e ntseng jalo e nne motlhofo? Gakologelwa gore boikaelelo jwa gago jo bogolo ga se go otlhaya molekane wa gago mme ke go ithuta go mo se se diregileng le go nonotsha lenyalo la lona. Ka sekai, Chul Soo le mosadi wa gagwe Mi Young ba ne ba tlhatlhoba kamano ya bone ba akantse ka se se dirileng gore Chul Soo a se ka a ikanyega. Chul Soo a re: “Ke ile ka lemoga gore ke ne ke tshwaregile thata ka dilo tse di amang nna fela. Gape ke ne ke tshwenyegile thata ka go itumedisa batho ba bangwe le go dira se ba neng ba batla gore ke se dire. Ke ne ke ba naya tlhokomelo le nako ya me e ntsi. Seo se ne sa dira gore ke nne le nako e nnye ya go nna mmogo le mosadi wa me.” Go lemoga seo go ne ga dira gore Chul Soo le Mi Young ba dire diphetogo tse di neng tsa ba thusa go nonotsha lenyalo la bone fa nako e ntse e tsamaya.

LEKA SENO: Fa o le molekane yo o sa ikanyegang, tlogela go dira diipato kgotsa go pega molekane wa gago molato. O tshwanetse go bontsha gore o ikarabelela ka se o se dirileng le ka kutlobotlhoko e o e bakileng. Fa e le gore o molekane yo o utlwisitsweng botlhoko, o se ka wa omanya molekane wa gago kgotsa wa mo kgoba ka mafoko. Go tila go bua ka tsela e e ntseng jalo, go tla tlhotlheletsa molekane wa gago gore a tswelele a go bulela mafatlha.—Baefeso 4:32.

2 Dirisanang Mmogo.

Baebele ya re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe.” Ka ntlha yang? “Ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla. Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.” (Moreri 4:9, 10) Molaomotheo oo o botlhokwa thata segolobogolo fa lo dira ka natla gore lo boe lo tshepane.

Fa wena le molekane wa gago lo dirisana mmogo, lo ka kgona go fenya maikutlo a lo nang le one a go se tshepane a a sentseng kamano ya lona. Le fa go ntse jalo, loobabedi lo tshwanetse go ikemisetsa go boloka lenyalo la lona. Fa mongwe le mongwe wa lona a leka go lebana le bothata joo a le esi, tota lo tla bo lo ipakela mathata a mangwe a mantsi. Sedikwa ke ntša pedi ga se thata.

Seo ke se Steve le Jodi ba neng ba se lemoga. Jodi a re: “Go ne ga re tsaya lobaka, mme nna le Steve re ne ra dirisana mmogo go nonotsha lenyalo la rona. Ke ne ka ikemisetsa go se mo utlwise botlhoko ka tsela eo gape. Mme le fa Steve a ne a utlwile botlhoko thata, o ne a se ka a letla gore lenyalo la rona le thubege. Letsatsi lengwe le lengwe ke ne ke leka go mo tlhomamisetsa ka ditsela di le dintsi gore ke a ikanyega, mme o ne a nna a mpontsha lorato. Ke tla nna ke mo lebogela seo.”

LEKANG SENO: Lwelang go dirisana mmogo go dira gore lo boe lo tshepane mo lenyalong la lona.

3 Emisetsang Mekgwa ya Bogologolo ka e Mesha.

Fa Jesu a sena go tlhagisa batho ba ba neng ba mo reeditse ka go dira boaka, o ne a ba gakolola jaana: “Fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.” (Mathaio 5:27-29) Fa o le molekane yo o sa ikanyegang, a go na le dilo tse o tlwaetseng go di dira kgotsa mekgwa e o ka tshwanelwang ke go e latlha gore o boloke lenyalo la lona?

Kwantle ga pelaelo, o tla tshwanelwa ke go tlogela go ikgolaganya le motho yo o dirileng boaka le ene. * (Diane 6:32; 1 Bakorintha 15:33) Paul, yo o nopotsweng pelenyana, o ne a fetola nako e a neng a bereka ka yone le dinomoro tsa founo ya gagwe ya selula gore a se ka a tlhola a ikgolaganya le mosadi yo a neng a dirile boaka le ene. Le fa go ntse jalo, maiteko a gagwe a go se ikgolaganye le ene gotlhelele a ne a itaya sefololetse. Paul o ne a ikemiseditse go dira gore mosadi wa gagwe a boe a mo tshepe mo a neng a tlogela tiro ya gagwe. Gape o ne a se ka a tlhola a dirisa founo ya gagwe ya selula mme a dirisa ya mosadi wa gagwe fela. A maiteko ao otlhe a ne a nna le matswela? Mosadi wa gagwe e bong Debbie a re: “Go setse go fetile dingwaga di le thataro mme gangwe le gape ke sa ntse ke tshwenngwa ke gore mosadi yoo a ka nna a leka go ikgolaganya le ene. Mme gone jaanong ke dumela gore Paul a ka se ineele mo thaelong.”

Fa o le molekane yo o sa ikanyegang, gape o ka tshwanelwa ke go fetola botho jwa gago. Ka sekai, o ka tswa o rata go itshwara ka tsela e e ka dirang gore batho ba bong bo sele ba akanye gore o a ba kgatlhegela kgotsa o ka tswa o rata go nnela go akanya ka go ratana le batho ba bangwe. Fa go ntse jalo, ‘apola botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone.’ Emisetsa mekgwa ya bogologolo ka e mesha e e tla dirang gore molekane wa gago a go tshepe. (Bakolosa 3:9, 10) A tsela e o godisitsweng ka yone e dira gore go nne thata go bontsha lorato? Tota le fa kwa tshimologong go ka se nne motlhofo, bontsha molekane wa gago lorato o bo o mo tlhomamisetse gore o a mo rata. Steve a re: “Jodi o ne a tle a mpontshe lorato ka go ntshwara ka bonolo mme ka metlha o ne a nthaya a re ‘Ke a go rata.’”

O tla bo o dira sentle fa ka lobaka lo lo rileng, o bolelela molekane wa gago ka dilo tse o di dirang letsatsi le letsatsi. Mi Young yo o umakilweng pelenyana a re: “Chul Soo o ne a tlhomamisa gore o mpolelela sengwe le sengwe se se diragetseng letsatsi le letsatsi, tota le dilo tse di neng di se botlhokwa go le kalo, e le go mpontsha gore o ne a sa mphitlhele sepe.”

LEKANG SENO: Botsanang gore lo ka dira dilo dife tse di ka lo thusang gore lo boe lo tshepane. Dirang lenaane la tsone go tswa foo lo di dirise. Gape, mo dilong tse lo di dirang ka metlha, dirang le dilo dingwe tse lo ka di itumelelang mmogo.

4 Letla Nako Gore e Fete.

O se ka wa itlhaganela go swetsa ka gore e setse e le nako ya gore lo simolole go tshela jaaka e kete ga go a direga sepe. Diane 21:5 e tlhagisa jaana: “Mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” Go tla tsaya lobaka—gongwe dingwaga—gore lo boe lo tshepane.

Fa e le gore o molekane yo o diretsweng boaka, iphe nako ya go itshwarela ka botlalo. Mi Young a re: “Ke ne ke tle ke akanye gore ga go utlwale gore mosadi a se ka a itshwarela monna wa gagwe yo o dirileng boaka. Ke ne ke sa tlhaloganye lebaka la go bo a ne a ka galefa jalo ka lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, fa monna wa me a ne a dira boaka, ke ne ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa go le thata go itshwarela.” Go itshwarela—le go tshepana—go tla tla ka bonya ka bonya.

Le fa go ntse jalo, Moreri 3:1-3 ya re go na le “nako ya go fodisa.” Kwa tshimologong, o ka nna wa akanya gore go molemo gore o se ka wa bolelela molekane wa gago kafa o ikutlwang ka gone. Le fa go ntse jalo, go nnela go dira jalo go ka se go thuse gore o boe o tshepe molekane wa gago. Jaaka go hapa ntho ka boikaelelo jwa go e fodisa, nonotsha kamano ya lona e e senyegileng ka go itshwarela molekane wa gago mme o mmontshe gore o a mo itshwarela ka go mmolelela se o se akanyang le kafa o ikutlwang ka gone. Gape kgothaletsa molekane wa gago gore a go bolelele dilo tse di mo itumedisang le tse di mo tshwenyang.

O se ka wa nnela go akanya ka dilo tse di ka go galefisang. Dira ka natla go lwantsha kgalefo. (Baefeso 4:32) Go tlhatlhanya ka sekao sa Modimo go ka go thusa. O ne a utlwa botlhoko thata fa batho ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ba neng ba mo obamela ba mo tlhanogela. Jehofa Modimo o ne a bo a ipapisa le motho yo molekane wa gagwe wa lenyalo a neng a se ka a ikanyega. (Jeremia 3:8, 9; 9:2) Le fa go ntse jalo, ga a ka a ‘nna a kgotšwilwe ka bosakhutleng.’ (Jeremia 3:12) Fa batho ba gagwe ba ne ba boela kwa go ene, ba ikwatlhaya go tswa pelong o ne a ba itshwarela.

Fa kgabagare wena le molekane wa gago lo kgotsofaletse diphetogo tse lo di dirileng mo kamanong ya lona, lo tla tshepana. Go tswa foo, go na le gore lo nnele go tlhoma mogopolo fela mo go bolokeng lenyalo la lona, lo tla o tlhoma mo mekgeleng e mengwe. Le fa go ntse jalo, tlhomang nako e ka yone lo tla sekasekang gore lo gatetse pele go le kana kang. Lo se ka lwa akanya gore se lo se fitlheletseng se lekane. Lekang go rarabolola dilo tse di sa reng sepe tse di lo busetsang morago mme lo tlhomamisetsane gore lo sa ntse lo ratana.—Bagalatia 6:9.

LEKANG SENO: Go na le go leka go dira gore lenyalo la lona le nne jaaka le ne le ntse pele, tsayang gore lo aga kamano e ntšha le e e nonofileng.

Lo ka Atlega

Fa ka dinako dingwe lo akanya gore lo ka se atlege, gakologelwang seno: Modimo ke Mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo. (Mathaio 19:4-6) Ka jalo, a ka lo thusa gore lenyalo la lona le atlege. Banyalani botlhe ba go builweng ka bone kwa godimo ba ne ba dirisa kgakololo e e botlhale ya Baebele mme ba kgona go boloka manyalo a bone.

Go setse go fetile dingwaga tse di fetang 20 morago ga bothata jo bo neng jwa nna teng mo lenyalong la ga Steve le Jodi. Steve o sobokanya jaana se ba neng ba se dira go tokafatsa lenyalo la bone: “Ke fela morago ga go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mo re neng ra dira diphetogo tse dikgolo. Re ne ra bona thuso e e seng kana ka sepe. Mme seo se ne sa dira gore re itshoke mo dinakong tseo tse di boima.” Jodi a re: “Ke itumelela go bo re ile ra kgona go itshokela dinako tseo tse di thata. Go ithuta Baebele mmogo le go dira ka natla, go re thusitse gore re nne le lenyalo le le itumedisang.”

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 5 Fa o batla thuso malebana le go dira tshwetso e e ntseng jalo, bona Tsogang! ya May 8, 1999, tsebe 5 le August 8, 1995, tsebe 10 le 11.

^ ser. 17 Fa e le gore ka lobaka lo lo rileng ga o kgone go tila go kopana le motho yoo gotlhelele (jaaka kwa tirong), o tshwanetse go tlhomamisa gore o kopana le ene fela fa go tlhokega. Dira gore fa o kopana le motho yoo batho ba bangwe ba bo ba le teng e bile molekane wa gago a itse ka gone.

IPOTSE JAANA . . .

  • Ke mabaka afe a a dirileng gore ke swetse ka gore ke boloke lenyalo la me le fa molekane wa me a dirile boaka?

  • Ke dinonofo dife tse di molemo tse ke di bonang mo molekaneng wa me gone jaanong?

  • Ke ne ke bontsha molekane wa me lorato ka ditsela dife tse dinnye fa re ne re simolola go ratana mme seo nka se dira jang gape?